2 Corinthians 9

Go aba le dipoelo tsa gone

1Ke lemoga gore ga go tlhokege go lo lotlegela se, go thusa batho ba Modimo. 2Gonne ke itse ka fa lo tlhwaafaletseng go go dira ka teng, ebile ke ikgantsheditse ditsala mo Masedonia gore lo sale lo ipaakanyeditse go romela kabelo ngogola. Mme tota, ke ka tlhoafalo e ya lona e e tlhotlheleditseng ba le bantsi go simolola go thusa. 3Mme ke romela banna ba fela go tlhomamisa gore tota lo ipaakantse, jaaka ke ba boleletse gore lo tlaa bo lo ipaakantse, le madi a lona otlhe a phuthilwe; ga ke batle gore mo nakong e go ikgantsha ga me kaga lona e bo e le lefela. 4Ke ka tlhajwa ke ditlhong thata, mmogo le lona fa bangwe ba Masedonia ba tla le nna, mme ba fitlhela gore ga lo ise lo bo lo ipaakanye ke sena go lo bolelela!

5Jalo ke kopile bakaulengwe ba bangwe go goroga pele ga me go bona gore mpho e lo e solofeditseng e siame. Ke batla gore e bo e le mpho tota e sa lebege jaaka ekete e ntshitswe ka patiko. 6Mme gakologelwang, fa o o fa go le go botlana, o tlaa amogela mo go botlana, molemi yo o lemang peo e se kae fela, o bona thobo e potlana, mme fa a lema thata, o tlaa roba mo go ntsi. 7Mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya ka fa o tshwanetseng go aba ka teng. Lo se pateletse ope go ntsha mo go ntsi go feta mo tota ene a batlang go go ntsha, gonne batho ba ba abang ka bopelontle ke bone ba Modimo o ba nayang dikgele, 8Modimo o nonofile go lo direla ka go lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang le go feta moo, gore go se ka ga lekana le tse lo di tlhokang fela, gore go tle go sale go le gontsi mo go tlaa abelwang ba bangwe ka boitumelo. 9Go ntse jaaka dikwalo di bolela di re: “Motho wa Modimo o abela bahumanegi ka pelo e tshweu. Ditiro tsa gagwe tse di molemo di tlaa nna tlotlo mo go ene ka bosakhutleng.”

10Gonne Modimo, o o nayang molemi peo go lema, mme morago, o mo neye thobo e e siameng go ja, o tlaa nna o lo naya peo gore lo leme, ebile o tlaa e godisa gore lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona. 11Ee, Modimo o tlaa lo naya go le gontsi gore le lona lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona, mme fa re isa dimpho tsa lona kwa go ba ba di tsholang ba tlaa thubega ka tebogo le pako mo Modimong ka ntlha ya thuso ya lona. 12Jalo dilo tse pedi tse di molemo di diragala ka ntlha ya dimpho tsa lona, ba ba tlhokang ba a thusiwa, mme ba leboga Modimo mo go golo. 13Ba lo ba thusang ba tlaa itumela e seng fela ka ntlha ya dimpho tsa bopelo-ntle jwa lona mo go bone le ba bangwe, mme ba tlaa baka Modimo ka tshupo e gore ditiro tsa lona di molemo fela jaaka thuto ya lona. 14Mme ba tlaa lo rapelela ka tlhwaafalo e kgolo le maikutlo ka ntlha ya tshegofatso e e hakgamatsang ya Modimo e e supilweng ka lona.

15Lebogang Modimo ka Morwaa-one, ebong neo e e hakgamatsang e go leng thata go ka e tlhalosa ka molomo.
Copyright information for TsnLEF